Product Description
Setswana Home Language Grade 9 Novel (Legae)
Author: N Goitsilwe
Format: Physical Hardcopy
Lokwalo lono lo bua segolo ka dikeletso tsa lekolwane le le batlang katlego mo botshelong fela ka kakaretso mmogo le mo lenyalong. Le bona kgarejana e le e kgatlhegelang mme le ikaega ka yona go e dira letlotlo la lorato le dikeletso tsa lona.
Maikaelelo a gagwe a bona katlego e le e eleditseng la ba la simolola motse wa lona, la aga lelapa le le tiileng mo motseng wa gaabo wa Pudumong mo Taung. Le fa gona a ne a santse a tshelela mo setsong sa gaabo, a sa ngaole ka ntlha ya katlegonyana ya gagwe, a nna a phasalatsa diphuka tsa gagwe ka fa a ne a santse a le mo bošweng.
A simolola go naganela pele le go ipaakanyetsa bokamoso jo bo sa itseweng. A tsenela matsema a sekgoa a go ipoloka.
A baakanyetsa loso le phitlho ya gagwe a sa le mo botshelong. Tsebetsebe ya tsena batho fa ba utlwa, e bile le ka matlho ba iponela, fa go ne go epiwa mabitla, la gagwe le la ga mogatse, a ba a tlhomelwa letlapa le tshwaragane, e le segopotso sa bona jaaka baswi.
For custom orders and quotes: shop@schoolspace.co.za
© 2026 Schoolspace. This product description is the exclusive intellectual property of the publisher, protected under copyright law. Unauthorized use, adaption, or copying is strictly prohibited.